Mondadori Store

Trova Mondadori Store

Benvenuto
Accedi o registrati

lista preferiti

Per utilizzare la funzione prodotti desiderati devi accedere o registrarti

Vai al carrello
 prodotti nel carrello

Totale  articoli

0,00 € IVA Inclusa

Mo nakong ya gompieno thuto e filwe leina e bidiwa ''senotlolo''. Seo se apesitse ditlhaloganyo tsa batsadi ba le bantsi ka gonne motsadi mongwe le mongwe o beile mo tlhaloganyong gore lekgabunyana la gagwe le ka tlhala sekolo ka nako fela ya fa le apere phuraphure. Mo kgangkgutsweng e e fa isong re kopana le mosimane Isago yo e sa leng a tsena sekolo mme a sa bone tswelelopele tota a sa falole dithuto tsa gagwe ka ntlha ya fa go bonala a ne a sena bokgoni jwa thuto ya dibuka. E ne e le ene fela ngwana a le nosi ka jalo, go ne ga nna thata gore batsadi ba gagwe ba amogele fa a ne a ba amela gore o nagana go tlogela sekolo, batsadi ba ne ba aparelwa ke kutlobotlhoko ka ba ne ba tshepetse thata e bile ba solofetse go le gontsi go tswa mo go ene. Mosimane o ne a itira kgosi kwa gaabo a bontsha batsadi gore totatota manokonoko a go apara kobo ka ditshetlo a utlwiwa ke ene.Seno se tlisitse kgotlhang mo lelapeng loora Kgosing, go itlhokomolosa tse tsotlhe Isago o ne a ithaopa go ya go okaoka mmemogolo wa gagwe kwa torotswaneng nngwe kwa Tlhabane koo a ileng a bona diphetogo tota bubi bo e saleng bo iphara mo matlhong a gagwe jwa matologa. Ka Modimo o sa je nkabo e bile ka dinako dingwe o ka fitlhela dilo tsa gago di tsamaya sentle ka thelelo ka ntlha ya fa e le wa rona rotlhe, Isago o ne a kopana le monna mongwe wa mosweu yo o neng a tshameka karolo e kgolo thata mo botshelong jwa gagwe e bile a sa itlhopholole go ya ka mmala mo go Isago.O ne a ema moeka nokeng le ka nako ya fa a fetsa go mo rotloetsa go ya go ithuta ka polanka kwa Kholetsheng a nna pelotelele mme a tswelela go mo thusa. Go ne ga diragala gore mosadimogolo a rage kika mme a balelwa le badimo. Le fa ditumelo di sa tshwane rona re rutilwe go tswa bonnyaneng gore bagodi ke badimo ba rona ka jalo fa o tswelela o le ngwana go ba reetsa le go latela molao wa bona ditsela tsa gago di ka fetoga mme tsa phatsima bosweu fela. Morago ga phitlho ya ga mosadimogolo Isago a bona tswelelopele mo botshelong, a fetsa dithuto kwa Kholetsheng a be a feleletsa a bone tiro. Seno se sa bontsha fa tota a ne a na le bokgoni jwa go betla e bile e le one morwalo yo e saleng o mo eme mo magetleng o mo itsa le go dira sentle kwa sekolong. Moeka ka letsatsi lengwe a nagana go ya go ba tlhola kwa gae, ka maropeng go boelwa e bile gaabo motho go le thebe phatswa. O ne a fitlhela batsadi ba godile e bile botsofe bo iphile maatla. E rile go tsena a tla a setswe morago ke llori ya ditena go tla go agela ba gaabo ntlo ya manobonobo.Mmaagwe o ne a itumetse, a lela sa boitumelo a be a wa ka mokwatla ntekwane e ne e le lobaka lo leele a batla go bonana le morwae a le nosi pele ga a tlhokafala. E ne e le gone fa a raga thokolo ka nako eo.

Dettagli down

Generi Romanzi e Letterature » Romanzi contemporanei

Editore Tshegofatso Maine

Formato Ebook (senza DRM)

Pubblicato 03/08/2020

Lingua

EAN-13 9781005088309

0 recensioni dei lettori  media voto 0  su  5

Scrivi una recensione per "Ke Na Le Bokgoni"

Ke Na Le Bokgoni
 

Accedi o Registrati  per aggiungere una recensione

usa questo box per dare una valutazione all'articolo: leggi le linee guida
torna su Torna in cima