Tshegetso e e tseneletseng, e rulagantswe ka manontlhotlho go nolofatsa tiro ya barutabana mabapi le Ditoga-maano 'strategies' tsa katiso ya bana tsa ngwaga otlhe, Ditoga-maano tsa katiso ya bana tsa letsatsi le letsatsi di akaretsa Tsamaiso ya Thuto ka ditlhogo tse di latelang; Puiso-kaelo, Puiso-kopanelo/Puiso-k a-ditlhopha, Puiso-ka -bobedi le Puiso-ka-nosi. Thuto ka bokao le tiriso e e siameng ya matshwao a puiso mmogo le dikarata tsa ditaletso, di rulagantswe. Morutabana o rotloetswa go latela Thulaganyo e e tsepameng ya Ditoga-maano tsa katiso ya bana ka tse di latelang:
Go reetsa le go bua ka setlhogo sa thuto ya letsatsi: Tirwana ya ditlhopha le ka Tirwana ya ngwana ka boena.
Go ithuta mopeleto wa modumopuo ya thuto ya letsatsi: Tirwana ya ditlhopha le ka Tirwana ya ngwana ka boena.
Go buisa setlhogo sa thuto ya letsatsi: Tirwana ya ditlhopha le ka Tirwana ya ngwana ka boena.
Go kwala dipolelo ka setlhogo sa thuto ya letsatsi: Tirwana ya Mokwalo-ka-ditlhopha le ka Mokwalo-ka- boena.
Ditogamaano tsa thuto di rulagantswe ka botswerere jaana:
Kgweditharo ya 1 : Dituma-nosi kwa nokong ya bofelo ya lefoko.
: Ditlhaka-nngwe kwa nokong ya bofelo ya lefoko.
Kgweditharo ya 2 : Ditlhaka-pedi kwa nokong ya bofelo ya lefoko.
Kgweditharo ya 3 : Ditlhaka-tharo kwa nokong ya bofelo ya lefoko.
Kgweditharo ya 4 : Ditlhaka-nne kwa nokong ya bofelo ya lefoko.
: Ditlhaka-tlhano kwa nokong ya bofelo ya mafoko.
Go barutabana, batsadi le baemedi ba bana: Letsema le bolotse.
Letsema le bolotse. Ngwana reetsa, bua, kwala o buise dikwalo ka metlha.